YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 3

3
Puisanyo ya ga Jesu le Nikotemo
1Go ne go le motho wa Bafarisai yo o bidiwang Nikotemo, mongwe wa lekgotla la Bajuta. 2Yoo a tla go Jesu bosigo, a mo raya a re: “Moruti, re itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong; gonne ga go ope yo o ka dirang ditshupo tse wena o di dirang, fa Modimo o se na nae.”
3Jesu a mo araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe go tswa godimo, ga a ka ke a lemoga puso ya Modimo.”
4Nikotemo a mo fetola a re: “Motho yo o godileng a ka tsalwa jang? A a ka ba a tsena la bobedi mo mmeleng wa ga mmaagwe, a boa a tsalwa?”
5Jesu a araba a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Fa motho a sa tsalwe ka metsi le Mowa, ga a ka ke a tsena mo pusong ya Modimo. 6Se se tsetsweng ke nama, ke nama; mme se se tsetsweng ke Mowa, ke mowa. 7O se gakgamale, fa ke go reile ka re: Lo tshwanetse go tsalwa go tswa godimo. 8Phefo e fokela kwa e ratang teng, o utlwa mosumo wa yona, mme ga o itse kwa e tswang teng le kwa e yang teng. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo.”
9Nikotemo a mo fetola a re: “Dilo tse, di ka dirafala jang?”
10Jesu a mo araba a re: “O moruti wa Iseraele, mme dilo tse ke eng, fa o sa di tlhaloganye? 11Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Re bolela se re se itseng, re bile re supa se re se bonyeng; mme lona ga lo tshole tshupo ya rona. 12Fa ke lo boleletse dilo tsa lefatshe, mme lo sa dumele, lo ka dumela jang, fa ke lo bolelela tsa legodimo? 13Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong.
14“Mme Morwa-Motho o tshwanetse go tlhatlosiwa, jaaka Moše a kile a tlhatlosa noga kwa sekakeng, 15gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene, a se latlhege, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng. 16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo, mo o bileng wa le neela Morwaa-ona yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a latlhega, mme a nne le bophelo jo bo sa khutleng. 17Kana Modimo ga o a roma Morwaa-ona mo lefatsheng gore a atlhole lefatshe, mme e le gore lefatshe le pholosiwe ka ene.
18“Yo o dumelang mo go ene ga a atlholwe. Yo o sa dumeleng o setse a atlhotswe, ka a se ka a dumela mo leineng la Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. 19Mme katlholo ke e: Lesedi le tsile mo lefatsheng, mme batho ba ratile lefifi bogolo go lesedi; gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. 20Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, le gona ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di se ka tsa kgalemelwa. 21Mme yo o dirang boammaaruri o tla kwa leseding gore ditiro tsa gagwe di bonatsege gore di dirilwe ka Modimo.”
Jesu o mo Jutea. Tshupo ya Mokolobetsi
22Morago ga dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba fitlha mo lefatsheng la Jutea; a nna nabo teng, a ba a kolobetsa. 23Johane le ene o ne a kolobetsa kwa Enone, gaufi le Salime; gonne metsi a ne a le mantsi teng, mme batho ba ya teng, ba kolobediwa. 24Gonne Johane o ne a ise a tsenngwe mo ntlong ya kgolegelo.
25Jaanong ga tsoga kganetsanyo fa gare ga barutwa ba ga Johane le Mojuta mongwe ka ga phepafatso. 26Ba ya kwa go Johane, ba mo raya ba re: “Moruti, yo o neng a na nao kwa moseja ga Joretane, yo ò supileng ka ga gagwe, bona, o a kolobetsa, mme botlhe ba ya go ene.”
27Johane a araba a re: “Motho ga a ka ke a amogela sepe, fa a sa se newa ke Modimo. 28Lona ka losi lo basupi ba me ba gore ke boletse ka re: ‘Nna ga ke Keresete, mme ke romilwe go mo etelela pela fela.’ 29Yo o nang le monyalwa ke monyadi; mme tsala ya monyadi e e mo direlang e a mo utlwa, e itumelela lentswe la monyadi thata. Boitumelo joo jwa me bo tletse jaanong. 30Ene o tshwanetse go gola, mme nna ka ngotlafala.
Yo o tswang kwa godimo le yo o tswang lefatsheng
31“Yo o tswang kwa godimo o godimo ga botlhe. Yo o tswang mo lefatsheng ke wa lefatshe, o bile o bua ka ga lefatshe. Yo o tswang kwa legodimong o godimo ga botlhe. 32Se o se bonyeng, a ba a se utlwa, ke sona se a se supang; mme tshupo ya gagwe ga e amogelwe ke ope. 33Yo o amogetseng tshupo ya gagwe o tlhomamisitse gore Modimo o boammaaruri. 34Gonne yo Modimo o mo romileng o bua mafoko a Modimo; gonne o aba Mowa kwa ntle ga selekanyo. 35Rara o rata Morwa, mme dilo tsotlhe o di tsentse mo seatleng sa gagwe. 36Yo o dumelang mo go Morwa o na le bophelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a ka ke a bona bophelo, mme bogale jwa Modimo bo mo okame.”

Currently Selected:

JOHANE 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy