YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 1

1
Lefoko le ne la nna nama
1E rile mo tshimologong Lefoko la bo le ntse le le teng; Lefoko le ne le na le Modimo, mme Lefoko e ne e le Modimo. 2Le ne le na le Modimo mo tshimologong. 3Dilo tsotlhe di dirilwe ka lone, mme kwa ntle ga lone ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng. 4Bophelo bo ne bo le mo go lone; mme bophelo e ne e le lesedi la batho. 5Lesedi le ntse le phatsima mo lefifing mme lefifi ga le a ka la le amogela.
6Go ne ga tla motho, a romilwe ke Modimo, leina la gagwe e le Johane. 7Yoo o ne a tla go supa gore a supe ka ga lesedi, gore botlhe ba tle ba dumele ka ene. 8E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. 9Lesedi la boammaaruri le le bonegelang motho mongwe le mongwe e ne e le ene yo o tlang mo lefatsheng.
10O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le dirilwe ka ene; fela lefatshe ga le a ka la mo itse. 11O ne a tla kwa ga gagwe, mme ba gagwe ba se ka ba mo tshola. 12Le gale, botlhe ba ba neng ba mo tshola, a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo, e bong ba ba dumelang mo leineng la gagwe; 13ke ba ba sa tsalwang ka madi, le e seng ka thato ya nama, le e seng ka thato ya monna, mme ba tsetswe ke Modimo.
14Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.
15Johane o ne a supa ka ga gagwe, a kua a re: “Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Yo o tlang morago ga me o a mpheta; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ ”
16Gonne rona rotlhe re bonye bopelotlhomogi godimo ga bopelothomogi mo botlalong jwa gagwe. 17Kana molao o neilwe ka Moše, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete. 18Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka motlha ope; Morwa yo o tsetsweng a le esi, yo o fa sehubeng sa ga Rara, ke ene yo o o boletseng.
Tshupo ya ga Johane Mokolobetsi
(Math. 3:1-12; Mar. 1:1-8; Luka 3:1-18)
19Tshupo ya ga Johane ke e: E rile Bajuta ba roma baperesiti le Balefi go ene, ba tswa Jerusalema go mmotsa gore: “O mang?”
20A ipolela, a se ka a itatola, a ipolela a re: “Ga ke Keresete.”
21Ba mmotsa ba re: “Mme o eng? A o Elia?”
A re: “Ga ke ene.”
“A ke wena moporofeti yole?”
A araba a re: “Nnyaya.”
22Ke fa ba mo raya ba re: “O mang ne? Gore re tle re ba fe karabo ba ba re romileng. O a reng ka ga gago?”
23A re:
“ ‘Ke nna lentswe la mongwe
yo o kuang mo sekakeng la re:
Siamisang tsela ya Morena!’ ”
jaaka Jesaya moporofeti a kile a bua.
24Ba ba neng ba romilwe e ne e le ba Bafarisai. 25Jaanong ba mmotsa ba re: “O kolobeletsang, fa o se Keresete, le e seng Elia le e seng moporofeti yole?”
26Johane a ba araba a re: “Nna ke kolobetsa ka metsi; mme go eme mongwe mo gare ga lona yo lo sa mo lemogeng. 27Ke ene yo o tlang morago ga me, yo ke sa tshwanelang go funolola kgole ya setlhako sa gagwe.”
28Dilo tseo di dirafetse kwa Bethania kwa moseja ga Joretane, kwa Johane o neng a le teng, a kolobetsa.
Jesu ke Kwana ya Modimo
29E rile ka letsatsi le le latelang a bona Jesu a tla go ene a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! 30Yo ke ene ke buileng ka ga gagwe ka re: ‘Monna o e tla morago ga me, yo o mphetang; gonne o ne a le teng, ke ise ke nne teng.’ 31Le nna ke ne ke sa mo lemoge, mme ke tlile go kolobetsa ka metsi gore ene a tle a senolelwe Iseraele.”
32Johane a ba a supa a re: “Ke bonye Mowa o fologa jaaka lephoi, o tswa legodimong, wa nna mo go ene. 33Le nna ke ne ke sa mo lemoge; mme ene yo o nthomileng go kolobetsa ka metsi a nthaya a re: ‘Ene yo ò tla bonang Mowa o fologela go ene, o nna mo go ene, ke ene yo o kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo.’ 34Ke bonye, ka ba ka supa gore yo ke Morwa Modimo.”
Barutwa ba ntlha ba ga Jesu
35Ya re ka moso Johane a bo a eme gape, a na le barutwa ba gagwe ba le babedi; 36a leba Jesu a ntse a tsamaya, a ba a re: “Bonang, Kwana ya Modimo!”
37Barutwa ba babedi bao ba mo utlwa a bua, ba be ba sala Jesu morago. 38Jesu a retologa, a ba bona ba mo setse morago, a ba raya a re: “Lo batlang?”
Ba mo raya ba re: “Rabbi,” (mo phetolelong ke go re: Moruti) “o nna kae?”
39A ba raya a re: “Tlaang lo bone.” Ba tla, ba bona fa a nnang teng, ba be ba tlhola nae letsatsi leo. Nako e ne e ka nna ya bone thapama.
40Andrea, morwa-rraagwe Simone Petoro, e ne e le mongwe wa ba babedi ba ba neng ba utlwile Johane, ba mo sala morago. 41Yo a bona Simone morwa-rraagwe pele, a mo raya a re: “Re bonye Mesia,” mo phetolelong ke go re: Motlodiwa (Keresete). 42A ba a mo isa go Jesu.
Jesu a mo leba a re: “O Simone, morwa Jona; o tla bidiwa Kefa,” mo phetolelong ke go re: Lefika (Petoro).
Filipo le Nathanaele
43Ya re ka moso Jesu a rata go ya kwa Galelea, a bona Filipo, a mo raya a re: “Ntshale morago!” 44Filipo e ne e le wa kwa Betsaita, motse wa ga gabo Andrea le Petoro. 45Filipo a bona Nathanaele, a mo raya a re: “Re bonye yo Moše a kwadileng ka ga gagwe mo molaong, le bone baporofeti, e bong Jesu, morwa Josefa wa Nasaretha.”
46Nathanaele a mo raya a re: “A sengwe se se molemo se ka tswa kwa Nasaretha?”
Filipo a mo raya a re: “Tlaa o bone!”
47Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!”
48Nathanaele a mo raya a re: “O nkitse jang?”
Jesu a mo araba a re: “Ke go bonye o le fa tlase ga setlhare sa mofeie, Filipo a ise a go bitse.”
49Nathanaele a mo fetola a re: “Moruti, ke wena Morwa Modimo, ke wena kgosi ya Iseraele.”
50Jesu a mo fetola a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re: ‘Ke go bonye fa tlase ga mofeie’? O tla bona dilo tse dikgolo bogolo go tse.” 51A ba a mo raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Go tloga jaanong lo tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba be ba fologela mo go Morwa-Motho.”

Currently Selected:

JOHANE 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy